LETLOLE LA APEX KE LEFE?
Letlole la Aforika Borwa la ditšhelete tse Dinnye la Apex ke setlamo se se tlhomilweng ke puso go rarabolola lehuma le botlhokatiro ka thebolo ya:
Phitlhelelo e e kgonwang ya ditirelo tsa ditšhelete
Thuso ya ditheo le ya badirelwa.
Kokoanyo ya ditshomarelo ka dikgwebo le ka ditlamo tsa tlholego tse di jaaka mekgatlho ya phitlho le ditokofele.
PONELOPELE
Go nna le seabe mo kgolong ya ikonomi le mo phokotsong ya lehuma mo Aforika Borwa ka go nna mobebofatsi yo o nonofileng wa ditirelo tsa ditšhelete tse dinnye.
Go tlhola indaseteri e e maatla ya ditšhelete tse dinnye mo Aforika Borwa.
MAIKAELELO
Go tlamela ditheo tsa ditšhelete tse dinnye ka ditirelo tsa porofešenale tse di siameng ka:
Go kemonokeng ya matlole ya thuso ya ditheo go mekgatlho e e tshwaraganeng le badirelwa ba yona go bebofatsa go nna le seabe ga yona mo ditirong tse di siameng tsa ikonomi.
Kokoanyo ya ditshomarelo le thebolo ya kadimo ya madi go dikgwebo le Ditheo tsa Ditšhelete tse Dinnye (RFIs) e le mokgwa wa go godisa le go oketsa phitlhelelo ya ditirelo tsa ditšhelete go bahumanegi le go lolamisa mekoro ya bona ya ditšhelete mabapi le botshelo jo bo botoka.
MOTLOLO WA TIRO
Letlole la Apex le tla dira ka mekgatlho ya tshwaragano go diragatsa taolelo ya lona ya go fitlhelela sefitlhelelwa kwa baaging malebana le kutlwalo le phitlhelelo.
Mabapi le kokoanyo ya ditshomarelo ga go na motlolo o o rileng o o lebilweng, fela kitso le mekgwa e e farologaneng e e ikaegileng ka maitemogelo di e a rotloediwa.
DITIRELO TSA DITŠHELETE TSE DI REBOLWANG
Letlole la Kadimo ya madi ya Kerediti e Nnye: Lenane le, le tlamela ka dikadimo tsa madi go fitlha ka R10 000 go malapa le bagwebi ba bannye ba ba ikaegileng ka dikgwebo tsa bona tse dinnye go tshela. Letlole le, le na le dikumo di le pedi:
Kerediti e nnye mabapi le tlhabololo ya kgwebo e nnye.
Letlole la phokotso ya lehuma go badirelwa ba lotseno lwa bona la lelapa le leng ka fa tlase ga R1500. Mokgatlho wa tshwaragano o tla dirisa sedirisiwa se se fokotsang lehuma malebana le tshekatsheko.
Thuso ya setheo: Ka fa tlase ga lenane le matlole a a tlamelwa go maatlafatsa setheo le go netefatsa tswelelo ya sona ya paka e telele.
Kokoanyo ya ditshomarelo: Se, se tokafatsa le go rotloetsa go tlhamiwa ga dikgwebo tsa ditšhelete le ditheo tse dingwe tsa tlholego tsa tshomarelo jaaka ditokofele le mekgatlho ya phitlho malebana le go kokoanya khumo ya fa gae le e e beeleditsweng.
TLHOPHO YA MEKGATLHO YA TSHWARAGANO
Apex e dira ditiro tsa yona ka mekgatlho ya tshwaragano e e farologaneng , ka jalo tlhopho ya yona e e siameng e botlhokwa e bile e a tswelela. Ka fa tlase ga tirego e, Apex e lekanyetsa mefuta e e farologaneng ya di-NGO tse di kwadisitsweng, ditheo tsa selegae tsa kgwebo, ditheo tsa boithaopo le mekgatlho mabapi le tswelelo ka go dirisa dikaelo tsa maemo. '
Mo go lekanyetseng mokgatlho, Apex e latela dikaelo tse siameng tse di ka aroganngwang ka dintlha tse di latelang: mokgatlho, morulaganyi, tsamaiso, taolo, badiri, lefelo-tiro, ditiro tsa mo lefelong, tiro e e fetileng, dithulaganyo tsa tshedimosetso ya tsamaiso, dithulaganyo tsa palotlotlo.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe ikgolaganye le Apex ka tse di latelang:
Mogala: 012-394 1796/012-394 1805
Fekese: 012-394 2796/012-394 2799
Aterese:
